trans-9183

Phokojwe le legakabe

ATU57
LanguageTswana
OriginGreece

E ne ya re ka nako e nngwe, phokojwe yo e leng, Morena Reynard, a bona legakabe le fofela godimo ka karolwana ya tšhisi mo molomong wa lona, mme la fitlha la nna mo kalaneng ya setlhare.

"E yona ke ya me, ke nna phokojwe, “ga bua Morena Reynard, a ntse a tsamaela mo kutung ya setlhare.

“Dumela, Mohumagadi Legakabe,” ga lela phokojwe. “O ikutlwa jang gompieno: diphofa tsa gago di lebega di le dintle tota, mme le matlho a phatsima e le tota. Ke tshepa le gore le lentswe la gago le tlhokotsegile tota gape le molodi go gaisa mantswe a dinonyane tse dingwe. A nka reetsa fela pina e le nngwe go tswa mo go wena gore ke tle ke go bitse gore ke wena Kgosigadi ya Dinonyane”.

Legakabe le tota le sa itseng go opela le ne la emisetsa tlhogo ya lona, mme la simolola go lela ka mokgwa o le ka kgonang ka teng. E rile fela fa le bula molomo wa lona karolwana ele ya tšhisi ya wela fa fatshe. Morena Reynard a e phamola, mme a e kometsa ka gangwe fela.

“Seno se tlaa dira,” ga bua Morena phokojwe. “Se, ke se ke neng ke ntse ke se batla.”

Morena phokojwe o ne a lebelela legakabe kwa godimo, mme a re: “Mo thefosanong ya me le wena ka ga tšhisi ya gago, nna ke batla go go naya kgakololo e le nngwe fela e o tlaa e gakologelwang mo nakong e e tlang gore: “Ditshedi tsa loleme lo borethe ga di ikanyege.”


Download XMLDownload textStory